DIKGATO TSE DI KA LATELWANG KA MOTSI WA KOMELELO
MATSENO
Aforika Borwa e na le dikarolo tsa tlelaemete tse di farologaneng tse di bulegileng tse di tlholang pharologano mo tlhagisong ya temothuo. Le fa go ntse jalo, naga e ka kakaretso e omeletse/e mo magareng ka e bona pula ya bokana ka 500mm ka ngwaga fa go bapisiwa le palogotlhe ya lefatshe ya bokana ka 800mm ka ngwaga. Pharologano ya tlelaemete ke selo sa tlhago, fela dipatlisiso di bontshitse gore mo ngwagakgolong o o fetileng go nnile le koketsego mo maatleng a digase tsa kago e e godisang dimela le tse di tlhokang tshireletso ka ntlha ya ditiro tsa batho jaaka indaseteri, go tlosiwa ga dikgwa, jj. Diphitlhelelo tsa dipatlisiso tse di tsepamemg thata tsa go farologana ga tlelaemete mo Borwa jwa Aforika di kaya fa mowa o o sa siamang wa themphereitšha mo Aforika Borwa o ya go oketsega ka tekanyetso ya bokana ka 1,5-4º C mo ngwagakgolong o o latelang. Se ke bothata jo bo masisi malebana le tlhabololo e e tswelelang, jo bo amang go tshela ga batho, ikonomi yotlhe le seriti sa tikologo ka go kaya maemo a a tseneletseng a a kwa godimo a bosa jaaka dikomelelo le merwalela magareng ga tse dingweg.
Aforika Borwa e arogantswe ka dikgaolo tse di botlhokwa tse tharo tsa pula: kgaolo ya pula ya mariga kwa borwabophirima, karolo ya pula ya ngwaga otlhe go bapa le kgaolo ya lebopo la borwa le karolo ya pula ya selemo mo nageng. Phokotsego ya pula go tswa kwa dikarolong tsa kwa botlhaba go ya kwa go tsa bophirima tsa naga e lemogilwe. Pula ya Aforika Borwa e farologana thata mme go dira gore naga e nne le tlhagiso e e lekanyeditsweng ya temothuo.
Temothuo e akaretsa ditiro tsotlhe tsa ikonomi go simolola ka thebolo ya dikumo tsa temo go ya go go tsenngwa ga boleng e bile e tswelela go nna lephata le le botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go sa kgathalesege seabe sa yona se sennye mo kumong ya selegae yotlheuo (GDP). Badiri ba kwa dipolaseng, balemirui le bamalapa a bona le bona ba na le seabe mo ikonoming fa ba dirisa ditefo tsa bona le dituelo tsa bona mo dithotong tsa badirisi le ditirelo, kgotsa fa ba reka dilwana malebana le tlhagiso. Ka tsela e temothuo e nna lephata le le nna le seabe sentle mo kgolong le mo tlhabololong. Maatla a bosa jo bo masisi le maemo a tlelaemete a ya go nna le dikutlwalo tse di sa itumediseng mo tlhagisong ya temothuo ka go tlala metsi ga mebu le dikomelelo tsa kgapetsakgapetsa magareng ga matlhotlhapelo a mangwe go go yang go dira gore go se ke ga kgonega ga go fitlhelela maungo a mantle gape go tlise lehuma mo malapeng a a ikaegileng gotlhelele ka temo.
Komelelo e Borwa jwa Aforika bo ntseng bo itemogela go simolola ka 2002 go fitlha gompiemo ke ponelopele ya dikutlwalo tsa phetogo ya tlelaemete mo dingwageng tse di latelang e bile go ka kaya tlhagiso ya dikumo tsa temothuo e e kwa tlase magareng ga tse dingwe . Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo (Molao No. 57, 2002) le ona o rotloetsa gore kgatelelo e tshwanetse go bewa thata mo thibelong le mo phokotsong ya matlhotlhapelo ka go dirisa tshedimosetso ya bosa le ya tlelaemete, magareng ga tse dingwe.
ADRM e rulaganya dikgakololo tsa kgwedi le kgwedi tse di nang le dikgato go balemirui go di dirisa malebana le maemo a ga jaanong a tlelaemete. Go ne ga ka akanngwa gore dikgato tse di tshwanetse go maatlafadiwa le go tlhagisiwa ka dipuo tsotlhe tsa semmuo go tlhaloganngwa ke badirisi botlhe.
Tse di latelang ke dikagto tse balemirui ba ka di dirisang ka motsi wa komelelo:
TLHAGISO YA DIKUMO
Tlhopho ya mmu:
Tlhopha mofuta wa mmu o o siameng malebana le sejalo se se jadiwang sekao: motlhaba malebana le mmidi gape letsopa malebana le mabele jj
Tlhopha masimo a a nang le dithulamo tse di mmalwa go fokotsa go ela ga metsi.
Paakanyo ya lefatshe:
Tila, mo go kgonegang, mebu e e nang le dipane tsa go lema tse di bonagalang
Dirisa sesegi go thuba dipane tsa go lema o be o oketse phitlhelelo ya medi go metsi a a bolokilweng le dijo
O se ke wa oketsa lefatshe le le ka fa tlase ga tlhagiso ya dikumo mo ga tlhokegeng
Dira bogodimo jwa mmu go nna makgwakgwa go fokotsa kgogolego
Dirisa mekgwa ya go lema ya tshomarelo sekao: go se leme, go lema go go lekaneng, go kgatha jj.
Fokotsa kitlano ka go fokotsa go feta ga metšhini e e bokete mo tshimong. Se se ka fitlhelelwa e seng gotlhelele ka tiriso ya didirisiwa tse di maleba mo mofuteng o o rileng wa mmu.
Tlhopho ya sejalo le go jala:
Tlhopha dimela tse di kgotlelelang komelelo
Jala mo go seng boteng segolobogolo mmidi ka dipolankisi tsa peo e e jadilweng boteng di ya go tsaya sebakanyana go mela go na le tse di jadilweng mo go seng boteng.
Tlamela ka thefosano le pharologano mo thulaganyong ya go jala ka go dirisa thulaganyo ya go jala e e tswakilweng go na le go jala sejalo se le sengwe, sekao: jala mmidi le dinawa mo tshimong e le nngwe. Se se ya go thusa molemirui go thusega go tswa mo sejalong se sengwe fa sejalo se sengwe se ka retela.
Kgomarela paka e e tlwaelegileng ya go jala fa go le maleba o be o latele ponelopele ya bosa le ya tlelaemete ka tlhomamo. Dira dithulaganyo tsa dijalo tsa setlha se sekhutshwane sekao: sonobolomo.
Tlhokomela go jala go go bokoa go phasalala dibeke
O se ke wa lekelela ka dimela dintšhwa e bile di sa itsege gape tila dipeeletso tsa madi tse di sa tlhokegeng
Ka gale dirisa thefosano ya dijalo
Taolo ya dijalo:
Siamisa kitlano ya go jalo sentle
Aakanya go jala dijalo tsa tse di khupediwang le go sireletsa go fokotsa mowafalo
Laola mefero ka tlhomamo
Akanya ka leano la go nontsha la tshomarelo
Akanya ka monontsha wa okaniki
Tlhokomela ditshenekegi tse di senyang dijalo le malwetse ka tlhomamao
Dirisa dithekeniki tse di kokoanyang metsi sekao: go diriwa ga dibeisene, dikonturu, makhubu.
Balemirui ba ba jalang mmidi ba tshwanetse go ela tlhoko dikgato tse di latelang tsa mmidi:
Go jala go tlhagelela:
Jala mo go seng boteng ka dipeo tse di jadiwang boteng di tlhagelela ka fa tlase ga bogodimo jwa mmu mme di swe.
Tila monontsha o montsi thata fa gaufi le peo ka se se ka tlhola go ša
Kgato ya tlhagelelo ya kgolo:
Morago ga tlhagelelo, semela se ya go tsena mo dikgatong ya go tlhoga ga matlhare. Gore semela sa mmidi se konosetse kgato e ya kgolo, se tshwanetse go tlhoga matlhare go tswa go a le mane go ya go a le marataro.
Dijo le kgatelelo ya metsi mo kgatong e di ka se tlhole tshenyo ya leruri, le fa go ntse jalo tlhagelelo ya siliki e ka amega mmogo le palo ya moko mo tsebeng nngwe le nngwe.
Kgato ya kgolo ya go tswala: Paka e e masisi ya tlhokego ya metsi.
Kgato ya ntlha e bile e le masisi ya kgolo ya go tswala ke tlhagelelo ya siliki mo ntlheng ya tsebe. Metsi a a lekaneng a a tlhokega mo pakeng e ka kgatelelo ya metsi e ya go fokotsa nako ya go tlhotlhorega ga modula le go diegisa go tlhoga ga siliki ka jalo go tlhole go se tswale.
Matlha a go jala a tshwanetse go tlhophiwa sentle go netefatsa gore kgato e e tsmaelana le maemo a a siameng a tlwaelo.
Dikgato tsa lerophi, tsa dege e e boleta le dege e popota le tsona di masisi mo kgolong ya go tswala. Kgatelelo ya metsi ka motsi wa dikgato tse e ka tlhola boleng jo bokoa jwa ditlhaka le tshenyego e kgolo ya dijalo.
Kgato ya khuti e e feletseng e latela ka bonako morago ga kgato ya dege e popota mme e ke nako e e nepagetseng ya go sega letseto. Bokgola jo bo lekaneng bo sa ntse bo tlhokega fela ga bo masisi, mme kgatelelo e e tseneletseng ya metsi e sa ntse e ka fokotsa go tswala le boleng jwa ditlhaka.
Kgolo ya popommele le go kotula:
Kgolo ya popommele ke kgato ya bofelo ya kgolo ya mmidi.
Molemirui o tshwanetse go tlhokomela bokgola jwa diteng tsa tlhaka go simolola go kotula fa fela dijalo fitlheletse kgolo ya baeoloji gape ke fa bokgola jwa diteng tsa tlhaka di le ka fa tlase ga 15%. Malwetse a a tshwanetseng go tlhokomelwa mo pakeng e ke go bola ga kutu le ga modi mmogo le malwetse a tlhogo.
Ditshenekegi tse di bolayang dimela le malwetse
Ka kakaretso, taolo e e tshwaraganeng ya ditshenekegi tse di bolayang dimela e tshwanetse go dirisiwa mo letlheng sotlhe sa go jala. Yona e akaretsa tse di latelang:
Taolo ya thibelo: mofuta o o maatla, le fa go ntse jalo, e seng mo dikgatong tse di kwa godimo thata tsa tshwaetsego ka o ka nna wa se ke wa nna maatla gape wa tlhola ditatlhegelo tse dikgolo.
Taolo ya temo: mofuta o o akaretsa temo ya mmu mariga , go tlosa dimela tsa boithaopo, go tlhopha dijalo le go rulaganya dinako tsa go jala.
Taolo ya baeoloji: se se diragala fa dira tsa tlholego di tlhasela dikgato tsotlhe tsa botshelo jwa ditsenekegi tse di bolayang dimela. Tharaano ya sera sa tlholego e ka sirelediwa ka go dirisa dibolaya-ditshenekegi tse di senyang dimela tse di siametseng tikologo tse gape di leng kotsi thata go ditshedi tse di sa ikaeletsweng.
Dijalo tse thibelang ditshenekegi: se se diragala fa o dirisa dijalo tse di thibelang ditshenekegi. Dijalo di farologana ka kgonagalo ya tsona ya go amiwa ke malwetse jaaka go bola ga ditsebe, ponagalo ya mogare wa mmidi, leronthobane le le setlha la mo letlhareng, rusu, letshwao mo tlhogong le mo thaseleng, go bola ga dikutu mmogo le go bola ga medi. Go tila kgotsa go fokotsa kutlwalo ya malwetse a, tlhopha dijalo tsa maemo a a siameng a thibelo kgotsa a kgotlelelo kwa bolwetse jo bo rileng bo tlhagelelang kwamo teng.
PAPATSO YA MEROGO
Tlhagiso ya merogo e ama ditshenyegelo tse di kwa godingwana go gaisa dijalo tse dingwe tse dintsi. Magareng ga mabaka ke risiki ya mmaraka o go nang le kgonagalo ya gore o ka fetoga ka bonako le tlhokego ya maemo a a siameng a tlhagelelo, dithebolo tse di tsepameng le boleng mo mmarakeng. Le fa go ntse jalo, dijalo di le dintsi tsa merogo di na le ditlhokwa tse di kwa godimo tsa metsi. Go tlhama dikgato tsa papatso go botlhokwa malebana le go leka bona poelo mo tlhagisong ya dijalo tsa merogo maemo a komelelo a le teng kgotsa a se teng. Fa maemo a komelelo a solofelwa, go botlhokwa go tlhama bareki le mabenkele malebana le dikumo tsa kereiti e e kwa tlase. Fokotsa ditshenyegelo tsa go kotula, tsa go phuthela, le tsa go bapatsa fa go kgonega. Dikumo tse di sentsweng ke komelelo tsa dilwana tse di rileng di ka nna mosola mo ditlamong tse dingwe tse di rulaganyang merogo. Ditlhopho tse di ka tse di lekanyeditsweng, fela dithekiso tse dingwe di ka kgonega. Ikgolaganye le mabenkele a a maleba ka pele go batlisisa dithulaganyo tse.
TAOLO YA LERUO
Somarela diphologolo tse di tswalang tse di siameng le go manethoto a naga ka tlhomamo o be o rulaganye kelo ya theko (saese ya motlhape/letsomane) sentle.
Rulaganya palo ya minimamo ya dikgomo tse di tswalang tse di ka somarelwang ka fa tlase ga maemo a a masisi mme o somarele se jaaka motlhape o le mongwe. Tsona ke dikgomo tse di siameng tse di tswalang tse di tlhophilweng go dira sentle le tiro e e fetileng, ka go dirisa dithusi tsotlhe tse o nang le tsona sekao: (Direkhoto, tshekatsheko ya go dira sentle).
Somarela ditshadi tse dinnye tse di siameng mme o bolaye diphologolo tse di tsofetseng tse di senang mosola
Bapatsa dithoto tse di leng dintsi o be o bolaye diphologolo tse di direng sentle fa metswedi ya furu e fela
Tlamela ka dilo tse di latswiwang tse di maleba, le mefuta e mengwe ya furu ya tlaleletso go somarela ditlhokego tsa dijo ka mafulo a tlhago a a padimotsweng ke komelelo ka kakaretso a na le boleng jo bo kwa tlase jwa dijo.
Dirisa masalela a dijalo kgotsa sejalo se se sentsweng ke komelelo go tlamela jaaka furu ka motsi wa tshoganyetsorebola. Mo dintlheng tse, dirisa tlhokomelo e e kgethegileng go netefatsa gore masalela a khemikhale e e kotsi ya diphologolo e e bolayang dtshenekegi ga a teng masaleding a dijalo ka se se ka koafatsa boitekane jwa leruo la gago.
Fetola ditlwaelo tsa taolo ya diphologolo go akaretsa go fepa ga go ratela kgotsa go latlhisa diname ka bonako, le go godisa diphologolo tse dinnye thata.
Ka motsi wa maemo a a masisi, isa diphologolo kwa dikampeng o be o tlamele ka furu
Dirisa dikumo tsa dikgwa tsa tlholego (sekao:diphotlwa) o be o sege sedirisiwa sa go fepa kwa godimo ka mola wa go fula (sekao: ka fa tlase ga tlhatlhagano ya bokana ka 1.5 m mo dipuding) o be o fepe difudi kwa dikampeng.
Laola malwetse a diphologolo le diparasaete ka tlhomamo
Fepa diphologolo tse di dusang le tse di anyisang sentle
Fetola paka ya thobalano ka motsi wa maemo a komelelo a a tseneletseng
Sa ntlha fudisa kwa mafelong a dimedi di sa ntseng di siame kwa go ona.
Phasalatsa mafelo a metsi ka go lekana mo mafelong a phulo go tila go fula go fetisa fa gaufi le lefelo la mesti.
Jalo ditlhare tse di tiileng/ ditlhatshana malebana le diphologolo tse di fulang
Fa tshimologo ya setlha sa pula e le thari, akanya go jala dijalo tsa dijo tse di golang ka bonako jaaka teff, babala kgotsa lebelebele mabapi le furu ya tlaleletso ka dinako tsa komelelo
Tlosa dimela tse di senyang ka dinako tsotlhe
DIKGATO TSA GO FEPA TSA KOMELELO
Ka motsi wa maemo a komelelo o tshwanetse go tlhama leano la kgato go tlhokomela leruo la gago.
Tlhomamisa palo ya maatla a tlaleletso a a tlhokegang ka go nna teng ga phulo kgotsa boleng jwa maatla a dijo tse di bolokilweng o be o simolola go batla metswedi e mengwe ya furu.
Kumo e nngwe ya korong, ya monamune, ya ditokomane e ka dirisiwa ja ka difuru le senkgwe se se leswafetseng le ditlhaka tsa motitiedi. Kopa kantoro ya Katoloso tshedimosetso e nngwe ka ga difuru tsa dikumo o be o gakologelwe go dira dipapiso tsa ditshenyegelo/tshekatsheko pele o reka go netefatsa gore o duela tlhotlhwa e e siameng malebana dilwana tsa difuru tsa tshoganyetso.
Tlamela modisa wa dikgomo ka dimenerale tsa tlaleletso tse di siameng. "Letswai, khalisiamo le foseforase di ya go nna botlhokwa thata".
Maatla e ka nna sefepi thata se se lekanyetsang ka motsi wa komelelo. tlhaka, leswabi la bojang, le dikumo di ka dirisiwa go tlamela ka maatla. Molao wa kakaretso wa kgonojwe ga se go fepa go fetisa bokana ka 2.5% jwa bokete jwa mmele e le tlhaka ya tlaleletso. Go fetisa se go ya go ama tshilego ya dijo.
Fa pula e na, refosanya dikgomo mo mafulong ka moo go ka kgonegang go dirisa tšhono ya bojang jo bo leng teng.
Phulo ya komelelo e e emeng ka nakwana e ka tlhoka poroteini. Kelo ya go dusa e ka diragala ka nako e mme bupi jwa sonobolomo le maupi a mangwe a diporoteini a ka dirisiwa.
Leswe la dikgogo dinong jalojalo ke motswedi wa poroteini, dimenerale le maatla o o somaregileng e bile o bolokesegile wa dikgomo tsa nama. Leswe la dikgogo, dinong jalojalo le la ditlhaka (40-45% tsa motswako) di ka fokotsa ditopo tsa phulo ka bokana ka 20-40% malebana le dikgomo.
Fa go kgonega hirisa lefatshe le lengwe la phulo go fokotsa kelo ya theko ya masimo a gago.
PAPATSO YA LERUO
Nako ya thekiso ya leruo le maemo a leruo le le rekisiwang e botlhokwa. Tshedimosetso e e fetileng ya papatso e teng go thusa malebana le go tlhomamisa diphetogo tsa boleng jwa leruo ka motsi wa komelelo le morago ga yona. Phokotso ya tlhopho ya palo ya leruo ka pele mo komelelong ka gale ke kakanyo e e eletsegang.
Thekiso ya leruo
Fa leruo le rekisiwa ka bonako mo komelelong, ditlhotlhwa tse di amogelwang go na le kgonagalo ya gore di ka nna botoka ka gonne leruo le tshwanetse go bo le le mo maemong a a siameng le mo femeng ya mmaraka. Gape, ditshenyegelo tsa furu di a tilwa.
Somarela leruo le le tsholegang bonolo ka motsi wa komelelo gape le le yang go nna mosola thata kgotsa le le yang go ntsha dipoelo tse di siameng fa morago ga komelelo. Dinku, sekao, di ntsitse ka tsepamo peresente e e kwa godingwana ya poelo ya madi a leruo a a beeleditsweng go gaisa dikgomo. Fa komelelo e tsaya lobaka, leano le le ya go nna le maatla.
Fa komelelo e le khutshwane mme palo e nnye ya diperesente ya leruo e rekisitswe, leruo le le setseng le ya ka kgonagalo go thusa ka tiro e e oketsegileng ka phologolo nngwe le nngwe ka ntlha ya kelo e e fokotsegileng ya theko ya leruo. Go ka se nne botlhokwa go reka gape leruo.
Ka komelelo e telele le peresente e e kwa godingwana ya leruo le le rekisitsweng, ntlha e e botlhokwa e nna bokgoni jwa go reka gape leruo ka ditlhotlhwa tse di siameng fa maemo a tokafala.
Ditlhotlhwa tsa leruo mo legatong la morago ga komelelo ka gale ga di oketsege ka bonako, ka gonne diresefe tsa ditšhelete di fokotsegile.
Thekiso ya ka pele ya leruo e ya go tlhola maemo a a siameng go tsweletsa maemo tekatekano a polasa kgotsa go tlhola letseno, le le yang go thusa mo pakeng e telejana ya tswelelo pele ya kgwebo.
Fa komelelo e tswelela pele, rekisa leruo go fitlhela o setse ka palo ya ditshadi tse di dinnye, tse di siameng, tse di tswalang, tse go nang le kgonagalo ya gore di ka nna botlhokwa fa komelelo e khutla le bokgoni jo bogolo jwa go ntsha dikumo ka nako eo.
Fagola ditona ka motsi wa komelelo e e tswelelang go tila koketsego ya leruo.
TAOLO YA TIRISO YA METSI
Tiriso ya metsi a fa selegae le a tshingwana ya fa gae:
Somarela dithebolo tse di leng teng tsa metsi
Tloga mefero ya metsi
Fokotsa tshenyego ya metsi le tatlhegelo
Siamisa dipeipi tse di dutlang go tila ditshenyego tsa metsi tse di sa tlhokegeng
Metswedi ya tlaleletso ya metsi e tshwanetse go dirisiwa mo motsing o sekao: metsi a kotulo kwa gae ka motsi wa malatsi a pula
Nosetso ya temo
Nosetsa ka motsi wa maemo a a tsidifetseng go fokotsa mowafalo, segolobogolo mo maitsiboeng
Tloga mefero yotlhe e e nang le dipeo mme o somarele tse di senang mefero mo mmung wa lefatshe go fokotsa mowafalo
Bona dipeo tse di maleba tse di tshwanetseng go jalwa o etse tlhoko ponelopele ya tlelaemete
Keleka le go siamisa dithulusu tsotlhe le metšhini e e tlhokegang mabapi le nosetso
Ela tlhoko maemo a matamo a lefatshe mme o latele ditekanyetso tsa metsi ka dinako tsotlhe
Metsi a go nwa a leruo
Phasalatsa lefelo la metsi ka go lekana kwa mafelong otlhe a phulo go tila phasalalo ya malwetse
Netefatsa gore metsi a teng mo setlheng seo sotlhe gape o be o a somarele ka moo go kgonegang
Dirisa metsi ka nonofo e bile fa metswedi yotlhe ya metsi e kgadile, bega ka bonako kwa Lefapheng la selegae la Merero ya Metsi le jalo ya Dikgwa
TSAMAISO YA NAGA
Sekaseka bokgoni jwa go tshola jwa lefelo la phulo le le leng teng (sekao: tshekatsheko ya kgonagalo ya komelelo: maemo le tebego ya lefatshe la phudiso) somarela dikelo tse di siameng tsa leruo. Lefatshe le le gogolegang thata le ka amiwang mo go sa siamang ke go fula thata ka motsi wa maemo a komelelo ka jalo go babalela tshireletso ya bojang e e lekaneng go tshwanetse go selo se se botlhokwa mo mafatsheng a a ka amiwang ke kgogolego ya mmu.
Batlisisa / tlhotlhomisa bokgoni jwa lefelo la phulo ka go tlhopha mokgwa o o siametseng sentle maemo, sekao, phologolo e e latlhisitsweng e lebagane le tlhagiso ya dikgomo, go ikaegilwe ka mofuta wa Naga le maemo a pula.
Netefatsa gore lefelo la gago la phulo le arogantswe ka dikampa & o refosanye diphologolo magareng ga dikampa tse di farologaneng (sekao: dirisa phudiso ya thefosanyo); gape ka gale tlhokomela phologolo e e fulang, o dirisa molao wa "fula halofo & go tlogela halofo" go tila go fula thata.
Ka gale tila go fula that ka go koafatsa naga. Se se tlholwa leruo le le ntsi.
Dira lenanethoto la ditlhatshana tse di jewang le ditlhare; tsona di ka segiwa le go silwa go tlamela ka furu mo maemong a tshoganyetso.
Laola ditshedi tse di tlhaselang le mefero ka di gaisana le dimela tsa furu go bokgola jwa mmu jo bo leng teng mme di nyeletse lefelo.
Maatlafatso ya mafulo a tlholego ka go tsenya monawa o o golang ka bonako go tokafatsa diteng tsa poroteini e tala kgolo e e maatla ya bojang, le bokgoni jwa go tshola ka kakaretso.
Tila melelo ya naga ka gale ka go keleka ponelopele ya bosa le go rulaganya dithibela go phasalala ga molelo.
Dithibela go phasalala ga molelo di tswanetso go dirisiwa ka tswelelo go tila ditshenyo tsa molelo tse di sa tlhokegeng bogolosegolo ka motsi wa setlha sa molelo. Ba ba fisang naga ka mabaka a ikgoloji ba gakololwa go tlhokomela Molao wa No. 101 wa Bosetšhaba wa Molelo wa Sekgwa wa 1998 o o kayang gore mong wa lefatshe o tshwanetse go rulaganya le go soarela sethibela-molelo e bile o tshwanetse go netefatsa gore , ka go ela bosa tlhoko, tlelaemete, lefatshe le dimedi tsa lefelo, tse di a tlhokomelwa malebana le go tsenya dithibela-molelo (kgaolo ya bo 4 ya Molao No. 101 wa Bosetšhaba wa Sekgwa le Naga wa 1998):
Se tshwanetse go nna sephara mo go lekaneng le go nna botelele jo bo lekaneng go nna le tšhono e e siameng ya go thibela molelo wa naga gore o se ke wa phasalela kwa lefatsheng la boagisani kgotsa go tswa kwa go lona
Ga se tlhole kgogolego ya mmu le gore
Ga se amane le dilo tse di tukang tse di ka se kgontshang go fetisetsa molelo wa naga go se kgabaganya.
Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo (Molao No 57 wa 2002) o kopa Diporofense, batho le balemirui, go sekaseka le go thibela kgotsa go fokotsa kgonagalo ya matlhotlhapelo ka go dirisa tshedimosetso ya bonako ya kitsiso magareng ga tse dingwe.
Balemirui ba rotloediwa go keleka dikgakololo tsa ponelopele ya bosa tsa temothuo go tswa kwa Lefapheng la Temothuo le ponelopele ya bosa e e atolositsweng go tswa kwa Tirelong ya Bosa ya Aforika Borwa kgwedi le kgwedi. Balemirui ga pe ba gakololwa go abelana tshedimosetso e le ba bangwe.
Bokaedi jwa Talo ya Matlhotlhapelo le Kgonagalo ya Kotsi jwa Temothuo bo rata go leboga dikaedi tse di latelang: Dithulaganyo tsa Tlhagsiso ya Dimela, Tlhagiso ya Diphologolo le ya Akgwa, Tiriso ya Metsi le Tlhabololo ya Nosetso, Boitekanelo jwa Diphologolo, Boitekanelo jwa Dimela mmogo le Khansele ya Ditlhotlhomiso ya Temothuo le Tirelo ya Bosa ya Aforika Borwa mabapi le ditshwaelo tse di botlhokwa tsa tsona malebana le go rulaganya bukana e.
